GORENG GO LE BOTLHOKWA GO BASADI GO TSAYA KAROLO MO GO DIRENG MOLAO?
Basadi ke karolo e e fetang bontsi jwa halofo ya setšhaba sa Aforika Borwa ka jalo mantswe a bona a tshwanetse go akaretswa fa go tsewa ditshwetso le fa go dirwa molao.
Go akaretswa ga basadi mo go tseyeng ditshwetso ke motheo wa tshwanelo ya setho.Basadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo go direng molao gonne go tsenngwa tirisong ga molao le dipholisi tsa puso di na le seabe mo matshelong a bona a tsatsi le letsatsi.Se se botlhokwa bogolosegolo ke gore dipatlisiso di bontshitse gore fa basadi ba tsaya karolo fa go tsewa ditshwetso, seno se lebisa kwa tsepamong e e oketsegileng le kabo ya didiriswa tse di tla tlhabololang boleng jwa matshelo a botlhe.Koketsego ya botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao go ka tlisa tlhabololo ya phitlhelelo ya ditirelo tsa motheo, jaaka matlo, thuto le loago.
BASADI BA KA TSAYA JANG KAROLO MO GO DIRENG MOLAO?
Molaotheo wa Aforika Borwa wa re setšhaba se tshwanetse go fitlhelela le go tsaya karolo mo Palamenteng le mo ditsamaisong tsa yona.Go na le ditsela tse di farologaneng ka fao seno se ka dirwang ka teng.
Basadi ba ka tsaya karolo mo go direng molao ka go boutela mokgatlho wa sepolotiki o ba naganang gore o ka emela dikakanyo le matshwenyego a bona botoka kwa Palamenteng. Ba ka nna gape le seabe mo go rulaganyeng le go direla mokgatlho o ba o tlhophileng le go o tlhopha mo maphateng a ona. Basadi ba tlhatlhogetse kwa maemong a a kwa godimo ka yona tsela e.
Setšhaba se na le tshwanelo ya go tsenela dikopano tsa dikomiti le go tsaya karolo mo Ditheetsong tsa Phatlalatsa. Fa ntlha e le mo dikgatlhegelong tsa setšhaba, Komiti ya Kokoano Bosetšhaba kgotsa ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka swetsa go tshwara ditheetso tsa phatlhalatsa kgotsa ba dira taletso ya go dira ditshwaelo.Maloko a setšhaba a ka ikgolaganya le Maloko a Palamente go ntsha maikutlo a bona ka karolo nngwe ya molao.
KE KAROLO EFE YA MOLAOTHEO E E KGONTSHANG BASADI GO NNA LE SEABE?
Molaotheo wa Aforika Borwa o neelana ka sebopego se se tebang le tlhatloso ya tekatekano ya bong, mme se se kaya le botsaakarolo jwa basadi mo go direng molao.Molaotheo o neelana ka dintlha dingwe tse di mmalwa mo go tsweletseng tekatekano ya bong.Molaotlhomo wa Ditshwanelo o netefaletsa Maforika Borwa go tshwarwa ka go lekalekana. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o kgatlhanong le kgetholola go ya ka lotso le bong. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o gatelela gore dikgato di tshwanetse tsa tsewa go tsweletsa go bona phitlhelelo ya tekatekano mo maphateng otlhe a puso.
Molaotheo o dira gore go nne le sebaka sa ditheo tseo di tshegetsang temokerasi, ga mmogo le botsakaarolo jwa basadi. Tseno di tsenyeletsa , magareng ga tse dingwe, Khomišene ka ga Tekatekano ya Bong le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Go tlaleletsa ditlhagiso tse go neelanwang ka tsona mo Molaotheong, Aforika Borwa e itlamile go tshola tekatekano ya bong ka tumelano ya yona ya dikopano tsa boditšhabatšhaba jaaka Kopano ya Phediso ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi Convention on the Elimination of Discrimination Against Women CEDAW le Lefelo la Tiragatso Platform of Action, eo e neng ya tlhomiwa ke Khonferense ya Basadi ya kwa Beijing. Aforika Borwa ke karolo ya mananeo a tiragatso a le mokawana a Aforika le tsweletso ya basadi, sk. tsamaiso ya Setšhaba sa Tlhabololo sa Borwa jwa Aforika SADC ka ga bong le tlhabololo.
DIpOpEGOKGOLO DIFE TSA BASADI GO DIRA GORE BA TSAYE KAROLO MO GO DIRENG MOLAO?
Tsela ya ntlha e bile e le yona e e botlhokwa go gaisa ya basadi mo go nneng le seabe mo Palamenteng ke ka nako ya ditlhopho. Mokgwa o batho ba boutang ka ona mo ditlhophong ke ona o bontshang ka fao Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di tlhamilweng ka teng. Ditlhopho tsa bosetšhaba di naya batho botlhe ba dingwaga tse di fetang 18 tshwanelo ya go tlhopha mokgatlho o ba o boutetseng. Basadi ba dira palo e e bonalang ya batlhophi mme ba ka dirisa tshwanelo ya bona ya go tlhopha gore ba tle ba tlhotlheletse gore Palamente e tlhamiwa jang, le gore setheo se, se tsweletsa jang tlhabololo ya basadi.
Palamente ya bone e tlhomile Dikomiti tse di latelang tse di mekamekanang ka tlhomalalo le merero e e amanang le basadi:
Komiti ya Kokoano Bosetšhaba e e ka ga Basadi, Bašwa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho
Komiti ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e e ka ga Basadi, Bašwa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho
Lefapha le lešwa ka ga Basadi, Bašwa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho le lona le tlhamilwe go kopanya ditiro tsa puso mo go tlhabololeng le go sireletsa batho ba ba leng mo kotsing mo setšhabeng sa rona.
KE DIKGWETLHO DIFE TSE DI LEBAGANENG BASADI MO BOTSAAKAROLONG JWA GO DIRA MOLAO?
Le fa e le gore basadi ke karolo e kgolo ya bogolo ba setšhaba sa Aforika Borwa, basadi ba sa ntse ba le kwa tlase fa go tsewa ditshwetso.Go na le dikgwetlho di le dintsi tse di thibelang basadi go tshameka karolo e e tletseng mme e le mosola, mme nngwe e kgolo ya tsona ke bohuma. Bohuma ke kgwetlho e basadi ba le bantsi ba Aforika Borwa ba lebaganeng nayo, bogolosegolo basadi ba kwa metseselegaeng.
Go fitlhelela ditirelo tsa motheo jaaka thuto, metsi le loago, bong jo bo sa lekalekaneng, lotso, le dikamano tsa maemo a batho mo setšhabeng di nna le tlhotlheletso e kgolo.. Gore basadi ba tseye karolo ka bojotlhe mo go direng molao, ditirelo tsa motheo di tshwanetse go tlhabololwa gore basadi ba di fitlhelele.
Bontsi jwa basadi bo tlhaela matlafatso ya ikonomi. Ka setlwaedi basadi ke setlhopha se se humanegileng mo Aforika Borwa mme kgonagalo e ntsi ya gore ba newe ditiro tse di kwa tlase kgotsa ba se bone ditiro. Go tlaleletsa se, HIV/AIDS e ama palo e ntsi ya basadi bogolosegolo basadi ba ba santseng ba le bannye ba le mo dingwageng tsa go tshola bana.
Tirisodikgoka kgatlhanong le basadi ke nngwe ya dikgwetlho tse kgolo tse di lebaneng Aforika Borwa.
Temokerasi ya rona e e golang e tlhabolotse phitlhelelo ya basadi go fitlhelela maatla a sepolotiki le go nna karolo ya go tsaya ditshwetso. Aforika Borwa e na le molao go samagana
